Main Page

From Wikipedia
Jump to navigation Jump to search
Amogelesega mo Wikipedia ya Setswana,
Go na le di article di le 728.

Ensaetlolopedia Ya Mahala

Amogelesega mo Wikipedia, tirisanyommogo e maikaelelo a yone e leng go leka go ensaeklopidia ka diteme tsa mafatshe a a farologanyeng, mme ebile e sa sokamela ka letlhakoreng lepe e bile e dirisiwa ke mongwe le mongwe mo interneteng mahala. Wikipedia ga e duelelwe, e bile e ka dirisiwa go batla tlhaloso ya sepe fela kgotsa go tsenya sengwe, le go baakanya tse di setseng di tsentswe. Ka gore mongwe le mongwe o kgone go tsenya se a se batlang, Wikipedia ga e kake ya tshepisa ya gore se o tla se filthelang fa ke boammaaruri jo bo tletseng. O ka lekeletsa ka Sandbox. Tswana Wikipedia e, e na le di article di le 728. Go tsaya malebane go bona gore o ka kwala eng, o ka tlhola gore batho ba kopile eng.

A o kile wa utlwa...

  • ...gore BotswanaPost e butse lefelo la Ditso la Philatelic Museum mo Botswana
    Philatelic Museum
    ?.
  • ... gore lefstahe la Botswana le butse Mmadikolo yo o itebagantseng le tsa maranyane le dithaeletsanyo yo o bitswang Botswana University of Science and Technology?.
  • ...gore go nale lefelo le le bitswang Mmokolodi Nature Reserve mo toropokgolo Gaborone la itloso bodutu?.
  • ...gore thaba ya Kgale hill e e mo Gaborone e bitswa "The Sleeping Giant" mme ebile e le yone e tona gape?
    Kgale Hill
    .
  • Dikoranta tse di kwadilweng

    Botswana

    Lefatshe la Botswana mo borwa jwa Aforika, ke lefatshe le le dikaganyeditsweng ke a mangwe, ka jalo ga le a bapa le lewatle. Pele ga le tsaya boipuso ka kgwedi ya Phalane e tlhola masome a mararo ka ngwaga wa sekete, makgolo a roba bongwe, masome a le marataro le metso e le marataro mo go mmamosadinyana le ne le bidiwa Bechuanaland. Lefatshe la Botswana le dikaganyeditswe ke la Aferika Borwa kwa borwa-botlhaba go fitlha kwa borwa bophirima, Namibia kwa bophirima, Zambia kwa bokone le Zimbabwe kwa bokone-botlhaba. Lefatshe le le bidiwa Botswana, le reelelwa ka banni ba lone eleng Batswana.

    Pina ya setshaba ya Botswana ke fatshe leno la rona, e e tlhamilweng ke K T Motsete.

    Madi a a dirisiwang ko Botswana ke Pula.

    Botswana ke lefatshe le le farologanyeng le mafatshe a mangwe mo Aferika. Morago ga puso ya ga Mmamosadinyana, Botswana o ne a tsaya boipuso ka di 30 tsa Lwetse 1966. Morago ga boipuso, lefatshe la Botswana le ne la dirisanya mmogo le puso ya Mmamosadinyana go itlhabolola. Babusi ba Botswana ka nako eo ba ne ba leka ka bojotlhe go ntsha Botswana mo tlaleng. Domokoraga e ne ya busa lefatshe le e eteletswe pele ke Seretse Khama, tautona wa ntlha wa Botswana. ►Read more

    Dinepe tsa letsatsi 

    Kgosi Seepapitso IV ( o tlhokafetse ka di 24 tsa kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 2010) e ne e le kgosi ya morafe wa ga Ngwaketse mo Botswana. E ne e le morwa kgosi Kgosi Bathoen II mme o ne a tlhophiwa go etelela pele Ntlo ya Dikgosi dingwaga di le mmalwa gape e le mongwe wa dikgosi tse di neng di nale seriti ebile di tlotlwa fela thata mo Botswana. Rre Seepapitso o diretse lefatshe la gagwe gape e le moemedi kwa United States of America le kwa China.

    E ne e le mogaka, e le Rraarona kwa Ntlong ya Dikgosi,mme ebile a ne a tlotla thata bogosi ka a ne a sa batle bogosi bo gatakiwa ka dinao.O ne a ngomolwa pelo ke diemo dingwe tse di neng di sa tlotle bogosi.Nako tsotlhe fa emelela a buisa morafe o ne a ngoka theetso ya setŝhaba. Jaaka a ne a direla Ntlo ya Dikgosi ka lobaka le ka nna dingwaga tse di masome a mararo o ne a sa buse fela, ka boeteledipele jwa ga Rre Seepapitso, Ntlo ya Dikgosi e ne e gakolola goromente wa puso ya lefatŝhe ka dikgang tse di neng di ama lefatshe ngwe tsa tsone di akaretsa :go tlosiwa ga Batswakwa ba ba senang teta ya go nna mo lefatsheng.

    Wikipedia's sister projects


    Ditiro tse dingwe tse di moteng