Main Page

From Wikipedia
Jump to navigation Jump to search
Amogelesega mo Wikipedia ya Setswana Setswana,
Go na le di article di le 722.

Ensaetlolopedia Ya Mahala

Amogelesega mo Wikipedia, tirisanyommogo e maikaelelo a yone e leng go leka go ensaeklopidia ka diteme tsa mafatshe a a farologanyeng, mme ebile e sa sokamela ka letlhakoreng lepe e bile e dirisiwa ke mongwe le mongwe mo interneteng mahala. Wikipedia ga e duelelwe, e bile e ka dirisiwa go batla tlhaloso ya sepe fela kgotsa go tsenya sengwe, le go baakanya tse di setseng di tsentswe. Ka gore mongwe le mongwe o kgone go tsenya se a se batlang, Wikipedia ga e kake ya tshepisa ya gore se o tla se filthelang fa ke boammaaruri jo bo tletseng. O ka lekeletsa ka Sandbox. Tswana Wikipedia e, e na le di article di le 722. Go tsaya malebane go bona gore o ka kwala eng, o ka tlhola gore batho ba kopile eng.

A o kile wa utlwa...

  • ...gore BotswanaPost e butse lefelo la Ditso la Philatelic Museum mo Botswana
    Philatelic Museum
    ?.
  • ... gore lefstahe la Botswana le butse Mmadikolo yo o itebagantseng le tsa maranyane le dithaeletsanyo yo o bitswang Botswana University of Science and Technology?.
  • ...gore go nale lefelo le le bitswang Mmokolodi Nature Reserve mo toropokgolo Gaborone la itloso bodutu?.
  • ...gore thaba ya Kgale hill e e mo Gaborone e bitswa "The Sleeping Giant" mme ebile e le yone e tona gape?
    Kgale Hill
    .
  • Dikoranta tse di kwadilweng

    Gaborone

    Gaborone, Sekgowa /ˌɡæbəˈrn/ or /ˌxɑːbəˈrn/), ke leina le le gatisitsweng kana le le biditsweng go reelela toropo ka Kgosi Kgosi Gabarone) Gaborone ke toropo kgolo mo Botswana e na le palo ya batho ba ba 191,776 tse di gatisitsweng ka ngwaga wa 2006 go ya ka dipatlisiso, se e le sesupo sa gore 10% ya Botswana jotlhe ka bophara e kwa Gaborone.


    Toropo ya Gaborone e fithelwa magare ga thaba ya Kgale le Oodi, fa nokeng ya Notwane, ko ntlheng ya borwabotlhaba jwa Botswana, gape e le gaufi le mololwane wa Aferika borwa. Toropo e e dirisa lebala la difofane la Sir Seretse Khama. Ke kgaolo ya bodiredi le boeteledipele ka bo yone, gape ke motsemogolo wa kgaolo ya borwabotlhaba. Banni ba Botswana ba bitsa toropo e ba re Gabs .

    Ka gonne toropo e ga ene mathata a merafe gape e gaufi le metsi a a phepa, toropo e e agetswe go nna motsemogolo ka ngwaga wa 1960s fa lefatshe la Bechuanaland Protectorate le tsaya puso, le bo le nna lefatshe le le ikemetseng ka nosi. Mo gare ga toropo e go na le madirelo a dikgwebo, tse di bitswang mafelo a marekisetso, le mafelo a ga goromente a agilweng kwa bophirima jwa marekisetso a. Toropo e e nggwe ya ditoropo tse di golang mo lefatsheng, se se bakile mathata a tlhaelo ya lefatshe le go ipaya mo go seng ka fa molaong. Toropo e e nale dikgotlhang tse di tsenang mo lefatsheng go tswa ko Zimbabwe le Aferika borwaka ngwaga wa 1980. ►Read more

    Dinepe tsa letsatsi 

    Kgosi Seepapitso IV ( o tlhokafetse ka di 24 tsa kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 2010) e ne e le kgosi ya morafe wa ga Ngwaketse mo Botswana. E ne e le morwa kgosi Kgosi Bathoen II mme o ne a tlhophiwa go etelela pele Ntlo ya Dikgosi dingwaga di le mmalwa gape e le mongwe wa dikgosi tse di neng di nale seriti ebile di tlotlwa fela thata mo Botswana. Rre Seepapitso o diretse lefatshe la gagwe gape e le moemedi kwa United States of America le kwa China.

    E ne e le mogaka, e le Rraarona kwa Ntlong ya Dikgosi,mme ebile a ne a tlotla thata bogosi ka a ne a sa batle bogosi bo gatakiwa ka dinao.O ne a ngomolwa pelo ke diemo dingwe tse di neng di sa tlotle bogosi.Nako tsotlhe fa emelela a buisa morafe o ne a ngoka theetso ya setŝhaba. Jaaka a ne a direla Ntlo ya Dikgosi ka lobaka le ka nna dingwaga tse di masome a mararo o ne a sa buse fela, ka boeteledipele jwa ga Rre Seepapitso, Ntlo ya Dikgosi e ne e gakolola goromente wa puso ya lefatŝhe ka dikgang tse di neng di ama lefatshe ngwe tsa tsone di akaretsa :go tlosiwa ga Batswakwa ba ba senang teta ya go nna mo lefatsheng.

    Wikipedia's sister projects


    Ditiro tse dingwe tse di moteng